Ka mo o ka dirang kopo ya ID ka teng
Fa fela kopo ya gago e tlhamaletse e bile e tladitswe sentle, Lefapha le tlile go kgona go dira lekwaloitshupo la gago ka sebaka sa dikgwedi di le pedi. Fa o dira kopo o tshwanetse go kaya mo kopong ya gago gore o tla tla go itseela lekwaloitshupo la gago kgotsa le tshwanetse go romelwa mo atereseng ya gago.
Kopo ya Ntlha
Tlatsa foromo ya B1-9 e e rebolwang kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae naga-ka-bophara.
Gorosa foromo ya gago ya kopo e na le ditokomane tse di latelang tse di kannweng:
Setifikeiti sa gago sa botsalo
Setifikeiti se se rebotsweng ke Tlhogo ya bookelo kgotsa ya tleliniki e o belegetsweng kwa go yona.
Ditokomane tse, di tshwanetse go tla di na le ditshwantsho tsa sešweng di le pedi tse di tlhagisang tlhogo le magetla (tsa bogolo jo bo kana ka 30mm x 40mm)
Mo thebolong ya ntlha ga go duelwe sepe
Boloka resiti ya kamogelo e e tla supiwang fa ID ya gago e santse e diriwa
Go rebolwa gape
Tlatsa foromo ya B1-10 e e fitlhelwang kwa dikantorong tsotlhe tsa Merero ya Selegae naga-ka-bophara
Gorosa ditshwantsho tsa sešweng di le pedi tse di tlhagisang tlhogo le magetla (tsa bogolo jo bo kana ka 30mm x 40mm)
Duela madi a go rebolwa gape a a kana ka R12-00 mme o boloke resiti ya gago e e tla supiwang mo nakong e e tlang.
Dikantoro tsa Kgaolo
Fa o batla go itse kwa Kantoro ya Merero ya Selegae e e leng fa gaufi le wena e leng teng, ka boikokobetso ikgolaganye le kantoro e e leng mo kgaolong ya lona.
Gauteng Botlhaba------------Nomoro ya mogala: 324 1860
Gauteng Bophirima----------Nomoro ya mogala: 476 2383
Mpumalanga-----------Nomoro ya mogala: 753 8164
Bokone Bophirima----Nomoro ya mogala: 384 3443
Kapa Bokone---------Nomoro ya mogala: 839 5404
Kapa Bophirima-----Nomoro ya mogala: 462 4970
Kapa Botlhaba------Nomoro ya mogala: 643 4699
LEKWALOITSHUPO LA AFORIKA BORWA ID
Lefapha la Merero ya Selegae
IPONELE ID E E NANG LE BAAKHOUTU
AMOGELA TŠHONO YA GO BOUTA
